Ezekiel 43:13 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Tse ke dilekanyo tsa sebeso ka fa dikubiteng, ke go re, letsogo; (kubite ke letsogo le le nang le paralatso ya seatla); kwa tlase e nne letsogo lengwe fela, le boatlhamo bo nne letsogo lengwe fela, le morapalego wa yone fa losing lwa yone tikologong e nne selekanyo sa paralatso ya seatla; mme mo e nne motheo wa sebeso.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi tse ki lilekanyo tsa aletara kaha likubeteñ: (kubeta e le kubeta le katlamo ea seatla:) mi botlatse bo ne kubeta, le katlamo ea kubeta, le kharelo ea eona ha losiñ loa eona tikologoñ e tla na katlamo ea menuana ñue hela: mi mouo o tla na oa ntle oa aletara.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ditekanyo tsa sebeso ka kubiti ka tse: Kubiti ka kubiti le bophara bja seatla; kubiti ya tlase, le kubiti ya bophara; e tla ba ya ntlha ya sebeso.
Tswana Setswana 1970
Dilekanyo tsa aletare ka mabogo e ne e le tse – go tewa letsogo le e leng letsogo le le lengwe le bophara jwa seatla: Bogodimo jwa motheo wa yona bo lekana le letsogo, le boatlhamo jwa ona bo lekana le letsogo. Mo ntlheng tsotlhe tsa ona go ne go le ditshegetso; bogodimo jwa tsona e le boatlhamo jwa seatla. Bogodimo jwa aletare ke jo: