Ezekiel 43:7 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A nthaya a re: “Morwa motho, fano ke felo ga setulo sa me sa bogosi, le felo ga dipato tsa dinao tsa me, fa ke tlaa agang teng ka bosakhutleng mo baneng ba Iseraele; mme ba ntlo ya Iseraele ga ba ketla ba tlhola ba itshekolola leina la me le le boitshepo, le fa e le bone, le fa e le dikgosi tsa bone, ka go akafala ga bone, le fa e le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone mo mafelong a bone a a tlotlometseng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ’nthaea, Moroa mothu, hanu ki helo ga terone ea me, le helo ga pato tsa nao tsa me, ha ki tla nnañ gona mo baneñ ba Yeserela ka bosakhutleñ; mi ba ntlu ea Yeserela, ga ba kitla ba tlola ba itsekolola leina ya me ya boitsepho, bona, le esiñ likhosi tsa bona, ka maakahalo a bona, le ka lirepa tsa likhosi tsa bona mo maheloñ a a gorimo a bona;
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A re go nna: “Morwa wa motho, le ka lefelo la sedulo sa ka sa bogosi le lefelo la dinao tsa ka, moo ka tlago go dula gare ga bana ba Baiseraele go isa mehleng ya neng le neng, le leina la ka le lekgethwa le ka se ka la dula go bitswa go silafatsa ntlo ya Jehofa. Baiseraele gape. Le dikgosi tsa bona le diaparo tsa bona le mebele ya dikgosi tsa bona mafelong a tsona a go hlompha.
Tswana Setswana 1970
a nthaya a re: “Morwa-motho, fano ke felo ga sedulo sa bogosi sa me, ke felo ga pato ya dinao tsa me, fa ke tla nnang teng mo gare ga Baiseraele ka bosakhutleng. Baiseraele ga ba kitla ba tlhola ba itshekolola leina le le boitshepo la me, le e seng dikgosi tsa bone, ka boaka jwa bone le ka ditoto tsa dikgosi tsa bone le ka dithota tsa tlhabelo tsa bone.