Ezekiel 47:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo a nkgogela kwa ntle ka tsela ya kgoro ntlheng ya botsheka, a mpotolosa ka tsela ya ka fa ntle go ya kwa kgorong ya ka fa ntle, ka tsela ya kgoro e e lebileng ntlheng ya botlhabatsatsi; mme bonang, ga bo go tsitla metsi ka fa ntlheng ya letsogo le legolo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ’nkisa kua ntleñ ea khoro ha Noreteñ; mi a ’mpotonosetsa ntleñ ea khoro ea ntle e e lebileñ Iseta; mi bonañ, metse a minologa ha ntleñ e e siameñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A ntlisa ka tsela ya kgoro ya ka leboa, a nkisa ka tsela ya kgoro ya ka ntle go leba bohlabela; le ka bona metsi a elela ka go le letona.
Tswana Setswana 1970
A ba a nkisa kwa ntle ka kgoro ya bokone, a ntikolosa ka tsela ya ka fa ntle, a nkisa kwa kgorong ya ka fa ntle e e lebileng kwa botlhabatsatsi, ka fitlhela metsi a ela a tswa mo loboteng ntlheng ya borwa.