Ezra 10:1 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana ya re Esera a sa ntse a rapela, a dira boipolelo, a lela, a itatlhela fa fatshe fa pele ga ntlo ya Modimo, ga bo go phuthegetse kwa go ene phuthego e kgolo thata ya banna le basadi le banyana ba ba tswang mo Iseraele; gonne batho ba lela mo go botlhoko.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI ga phuthegela go Esere phuthego e kholu bogolu, ea banona le basari le bana e coa Bayesereleñ ka Esere a rapela, mi ka a ipobola ka go lela le go itigela ha pele ga eintlu ea Morimo: gone bathu ba lela ka selelo se segolu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge Esera a be a rapela a ipobola, a lla, a khuname pele ga ntlo ya Modimo, phuthego e kgolo kudu ya banna, basadi le bana e tswa Baiseraeleng ya mo kgobokana. Gobane setshaba se be se lla kudu.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ya re Esera a ntse a rapela jalo, a ipobola, a lela a namaletse fa pele ga Ntlo ya Modimo, phuthego e kgolo thata ya Baiseraele ya phuthegela kwa go ene ya banna le basadi le bana; gonne batho ba ne ba lela ka selelo se segolo.