Ezra 9:1 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana e rile dilo tse di sena go dirwa, dikgosana tsa atamela kwa go nna, tsa re: “Batho ba Iseraele, le baperesiti le Balefi, ga ba a itomolola mo ditšhabeng tsa mafatshe, ka ba dira ka fa dilong tse di makgapha tsa bone, e bong tsa Bakanana, le tsa Bahite, le tsa Baperise, le tsa Bajebuse, le tsa Baamone, le tsa Bamoabe, le tsa Baegepeto le tsa Baamore.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI eare lilo tse li sina uerioa, likhosana tsa ’nkatamela, tsa re, Bathu ba Bayeserela le baperiseti, le Baleva, ga ba ka ba itomolola mo bathuñ ba mahatsi ua, ba riha kaha maileñ a bona, eboñ a Bakanana, le a Baheta, le a Baperesa, le a Bayebusa, le a a Baamona, le a Bamoaba, le a Baegepeto, le a Baamora.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka morago ga tse dikgosana tsa tla go nna, tsa re: “Bana ba Baiseraele, baperisita le Balefi, ba ikarola le batho ba dinaga, ka go dira makgapha a bona, go Bakanana le Bahethe; le Baperesia, le Bajebuse, le Baamoni, le Bamoaba, le Baegepeta, le Baamore;
Tswana Setswana 1970
E rile tseo di sena go fediwa, dikgosana tsa tla go nna tsa re: “Morafe wa Iseraele le baperesiti le Balefi ga ba a ikgaoganya le merafe ya mafatshe le makgapha a yona a Bakanana le Bahethe le Baferesi le Bajebusi le Baamone le Bamoabe le Baegepeto le Baamori.