Galatians 5:17 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne dithato tsa nama di tlhabana le Mowa, le Mowa o tlhabana le nama; gonne dilo tse di a tlhabana; e le gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang fela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone nama e ganela le Moea, le Moea le nama: mi tse li emelelanye; yalo ga lo kake loa riha tse lo ratañ go li riha.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane nama e kganyoga Moya, Moya o lwantsha nama; leba thulana le ba bangwe, mo o ka se kgonego go dira seo o se nyakago.
Tswana Setswana 1970
gonne nama e eletsa tse di tlhabanang le mowa, le mowa o eletsa tse di tlhabanang le nama; dilo tse, di emelelanye gore lo se ka lwa dira tse lo di ratang.