Genesis 11:31 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Tera a tsaya Aberame morwawe, le Lote morwa Harane, ngwana wa ngwana wa gagwe, le Sarai ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Aberame morwawe, a tswa nabo mo Ure wa Bakalatea, go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba fitlha mo Harane, ba aga gone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Tere a tsaea Aberame moroaue le Lote moroa Harane, moroa moroaue, le Sarae ñuetsi oa gague, mosari oa ga Aberame moroaue; mi ba huruga nabo mo Ura oa Bakaledia, go ea kua hatsiñ ya Kanana, mi ba hitla mo Harana, ba nna gona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Thera a tsea Aberame morwa wa gagwe, Lota morwa wa Harane morwa wa morwa wa gagwe, le Sarai morwedi wa gagwe, mosadi wa morwa wa gagwe Aberame. Ba tswa le bona ba etswa Uri ya Bakaladea, ba ya nageng ya Kanana; Ba tla Harane, ba dula moo.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Thara a tsaya Aborame morwawe, le Lote morwa Harane, morwa morwawe, le Sarai ngwetsi wa gagwe, mosadi wa ga Aborame morwawe, a huduga nabo, a tloga kwa Ure wa Kalatea, a re o ya kwa lefatsheng la Kanana; mme ba fitlha fela kwa Harane, ba aga teng.