Genesis 12:8 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A huduga gone, a ya kwa thabeng e e potileng Bethele ntlheng ya botlhabatsatsi, a tlhoma mogope wa gagwe, a potilwe ke Bethele ka fa bophirimatsatsi, le ke Ai ka fa botlhabatsatsi. A agela Jehofa sebeso gone, a bitsa leina le Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a coa gona a ea thabeñ kua Iseta ga Bete‐ela, mi a tloma tenta ea gague, Bete‐ela a le kua Ueseta, le Hae kua Iseta ga gague; mi a agela Yehova aletara gona, mi a bitsa leina ya ga Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go tloga moo a rotogela seleteng sa dithaba ka bohlabela bja Bethele le a hloma tente ya gagwe le Bethele ka bodikala le Ai ka bohlabela; a agela Jehofa sebeso moo, a bitsa leina la Jehofa Modimo.
Tswana Setswana 1970
A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena.