Genesis 17:19 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Modimo wa re: “Nnyaa, Sara mosadi wa gago o tlaa bona ngwana wa mosimane nao, o tlaa mo raya leina o re, Isake. Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me nae, le losika lwa gagwe sefularong sa gagwe go nna kgolagano e e sa khutleng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Morimo oa re, Sarahe mosari oa gago, o tla gu bonela mosimane rure; mi u mo she leina ya Yitsake: mi ki tla tlomamisa kholagano ea me le ena, le losika loa gague hularoñ sa gague, go na kholagano e e sa khutleñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modimo a re: Sara mosadi wa gago o tla go belega morwa ka nnete; o tla mo rea leina la Isaka, ka tla tiisa kgwerano ya ka le yena gore e be kgwerano ya neng le neng, le peu ya gagwe ya ka morago ga gagwe.
Tswana Setswana 1970
Mme Modimo wa re: “Ruri, Sara mosadi wa gago o tla go belegela ngwana wa mosimane; o mo tee leina la Isaka. Ke tla tlhomamisa kgolagano ya me nae le losika lwa gagwe morago ga gagwe gore e nne kgolagano e e sa khutleng.