Genesis 29:4 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jakobe a ba raya a re: “Bagaetsho, lo ba kae?” Ba re: “Re ba Harane.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yakobe a ba raea, Bana ba ga rra, lo coa kae? mi ba re, Re ba ga Harana.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jakobe a re go bona: “Bana beso, le tswa kae? Ba re: “Re tswa Harane.”
Tswana Setswana 1970
Jaanong Jakobe a ba botsa a re: “Ba ga etsho, lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa Harane.”