Genesis 38:24 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga dirala ya re e ka ne e le dikgwedi di le tharo morago, ga bolelelwa Juta ga twe: “Tamare ngwetsi wa gago, o akafetse; le gone o moimana ka boaka.” Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a fisiwe.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ga rihala ekane e le morago ga khueri li teri, Yude a buleleloa, ga tua, Tamare ñuetsi oa gago o akahetse; mi le gona, bona, o ithuele ka kakahalo. Mi Yude a re, Mo entsetse eintle, mi a a hisioe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Mo e ka bago dikgwedi tse tharo ka morago ga moo, Juda ba botswa gore: “Tamare morwedi wa gago o dirile seotswa; le bona, o imile ka bootswa. Juda a re: “Mo ntsheng, a fiswe.”
Tswana Setswana 1970
Jaanong ya re go sena go feta dikgwedi di ka ne di le tharo, Juta a bolelelwa ga twe: “Thamare, ngwetsi wa gago, o dirile boaka, e bile o moimana ka boaka.” Ke fa Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a ye go fisiwa.”