Genesis 42:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba raana ba re: “Ruri re molato ka ga monnaa rona, jaaka e rile re bona tlalelo ya mowa wa gagwe jale, ka a re rapela, ra gana go utlwa; ke gone ka fa tlalelo e e tsileng mo go rona ka gone.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi ba rana moñue le moñue, Amarure re molatu kaga monna rona, eo re le ra bona tlalelo ea moea oa gague, yale ka a re rapela, mi re le ra gana go utlua; ki gona ka mouo tlalelo e e tlañ go rona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba boledisana ba re: “Ruri re na le molato mabapi le ngwanabo rena, ka ge re bone tlalelo ya moya wa gagwe ge a be a re lopa, le ra se kwe. Ka fao, tlaisego ye e re tlile.
Tswana Setswana 1970
Ke fa ba rerisanya ba re: “Re iteelwa molato o re leofetseng monnaa-rona ka ona. Gonne re ne ra bona tlalelo ya pelo ya gagwe, fa a re rapela, mme ra se ka ra mo utlwa. Ke ka moo re dirafaletsweng ke tlalelo e.”