Hebrews 11:37 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba kgobotlediwa ka maje, ba fatoganngwa ka šage, ba raelwa, ba bolawa ka tšhaka; ba tsamaya fela ba apere matlalo a dinku le a dipodi; ba ne ba ipotlhere, ba se na sepe, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba khobotlerioa, ba setlagañoa ka gare, ba raeloa, ba bolaoa ka caka; ba kharakatsega ba apere matlalo a liñku, le matlalo a lipuri; ba tlogeloa, ba bogisioa, ba riheloa mashue;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Bangwe ba sule ba kgobotlediwa ka maje ba bangwe ka go fatoganngwa ka dishaga; ba bangwe ba ne ba solofediwa kgololo fa ba ne ba ka itatola tumelo ya bone, morago ga moo ba ne ba bolawa ka chaka. Bangwe ba ne ba tsamaya ba apere matlalo a dinku le dipodi, ba kgarakgatshega mo dikakeng le mo dithabeng, ba iphitlha mo mengobong le mo dikgageng. Ba ne ba bolawa ke tlala, ba lwala, ba tshwerwe setlhogo, e le batho ba lefatshe le sa ba tshwanelang.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba kgatlwa ka maswika, ba segwa ka thoko, ba lekwa, ba bolawa ka tshosa; ba ralala ba apere matlalo a dinku le matlalo a dipudi; go ba mohloki, go tlaisega, go tlaiswa;
Tswana Setswana 1970
Ba kgobotlediwa ka majwe, ba raelwa, ba segaganngwa, ba bolawa ka tšhaka, ba kgarakgatshega, ba apere matlalo a dinku le a dipodi, ba tlhoka, ba pitlaganngwa, ba direlwa bosula;