Hebrews 11:7 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka tumelo Noa, e rile a tlhagisitswe ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, a sutelediwa ke poifo ya Modimo, a baakanya ntlo e e kokobalang, gore a tle a boloke ba ntlo ya gagwe, ke e o sekisitseng lefatshe ka yone, mme a tswa morui wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Noe ka a la a kaeloa ki Morimo kaga lilo tse ri e siñ li bonoe, a etleletsa areke ka poiho, ka tumelo, go buluka ba ntlu ea gague, e o la a sekisa lehatse ka eona, mi a na oa boshua yoa tsiamo e e leñ ka tumelo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Noa le ene e ne e le mongwe yo o neng a ikanya Modimo. Erile a utlwa tlhagiso ya Modimo ka malatsi a a tlang, Noa a o dumela le fa go ne go sena sekai sepe sa morwalela, mme kwa ntle ga go senya nako a aga araka (ntlo e e kokobalang) mme a boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dumela mo Modimong Noa o ne a supa boleo jwa lefatshe lotlhe le go sa dumeleng ga lone, le le ganneng go reetsa, mme ka ntlha ya tumelo ya gagwe o ne a nna mongwe wa ba Modimo o ba amogetseng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka tumelo Noage, ge a be a lemoswa ke Modimo ka dilo tseo di sa hlwago di bonwa, a sikinyega ka poifo lea lokisa areka ya go pholosa ntlo ya gagwe; yeo ka yona a ilego a ahlola lefase lea ba mojalefa wa toko yeo e lego ya tumelo.
Tswana Setswana 1970
Ke ka tumelo, fa Noa a ne a dira areka ka poifo-Modimo go pholosa ba lapa la gagwe, a sena go laelwa ke Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonwe; ke ka yona a atlhotseng lefatshe, a nna morua-boswa wa tshiamo e e leng ka fa tumelong.