Hebrews 8:10 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Gonne e ke yone kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa; “ke tlaa tsenya melao ya me mo mogopolong wa bone, ke e kwala le mo pelong tsa bone; ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone e, ki kholagano e ki tla e rihañ le ntlu ea Yeserela morago ga metla eouo, go bua Yehova; ki tla tsenya melao ea me mo tlaloganyoñ tsa bona, le go e kuala mo peluñ tsa bona; mi ki tla na Morimo oa bona, mi ba tla na bathu ba me.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Morena a re, kgolagano e ke tlaa e dirang le batho ba Iseraele ke e: Ke tlaa kwala melao ya me mo megopolong ya bone gore ba tle ba itse se ke batlang ba se dira kwa ntle ga go ba bolelela, mme ke tlaa nna Modimo wa bone le bone ba tlaa nna batho ba me.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane ye ke kgwerano yeo ke tlago go e dira le ntlo ya Isiraele ka morago ga matsatsi ao,” o re’alo Jehofa; Ke tla bea melao ya ka menaganong ya bona, ka e ngwala dipelong tsa bona; ke tla ba Modimo wa bona, le bona e tla ba setshaba sa ka.
Tswana Setswana 1970
Kana kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya melao ya me mo maikutlong a bone, ke e kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me. Morena a re jalo.