Hebrews 9:7 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme mo go wa bobedi, go tsene moperesiti yo mogolo a le esi, gangwe fela ka ngwaga; mme a bo a sa tlogele madi a o a isang ka ga gagwe ka esi, le ka ga ditimelo tsa batho.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi moperiseti eo mogolu a bo a tsena a le esi mo go ea teñ gañue hela ka ñuaga moñue le moñue, esiñ ka go sina mari, a o a icupelañ le libe tsa bathu:
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a tsena kwa ntlwaneng e e kwa teng, e e neng e bidiwa Boitshepo jwa Maitshepo, gangwe fela mo ngwageng, a le nosi fela, a tshotse madi a a neng a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko e le mpho e a e nayang Modimo go bipa diphoso tsa gagwe le dibe tsa gagwe, le diphoso le dibe tsa batho botlhe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ka ya bobedi, moperisita yo mogolo o be a tsena gatee ngwaga o mongwe le o mongwe a nnosi, e sego ka ntle le madi ao a bego a a direla yena le ka baka la diphoso tsa setshaba.
Tswana Setswana 1970
mme mo Felong ga bobedi go tsena moperesiti yo mogolo a le esi fela gangwe ka ngwaga, e se kwa ntle ga madi a o a isang teng ka ntlha ya maleo a gagwe le a batho a a dirilweng ka go sa itemoge.