Isaiah 2:3 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: “Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe:” Gonne mo Sione go tlaa tswa molao, le lefoko la ga Jehofa le tlaa tswa Jerusalema.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi bathu bantsi ba tla ea, ba re, Tlañ re tlatlogeleñ kua thabeñ ea ga Yehova, kua tluñ ea Morimo oa Yakoba; mi o tla re kaela tsela tsa ona, mi re sepeleñ mo tselaneñ tsa ona: gone molao o tla coa Tsiona, le lehuku ya ga Yehova mo Yerusalema.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ditshaba tse dintsi di tla ya le tsa re: “Etlang re rotogele thabeng ya Jehofa, ntlong ya Modimo wa Jakobe; o tla re ruta ditsela tsa gagwe, le re tla sepela ditseleng tsa gagwe; ka gobane molao le lentsu la Jehofa di tla tswa Sione tsa ya Jerusalema.
Tswana Setswana 1970
Merafe e mentsi e tla nanoga e re: “Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya Morena, kwa Ntlong ya Modimo wa Jakobe, gore o re rute ditsela tsa ona, re tle re tsamae mo ditselaneng tsa ona; gonne molao o tla tswa kwa Sione, Lefoko la Morena le tswa kwa Jerusalema.”