Isaiah 2:4 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O tlaa atlhola fa gare ga merafe, a kgalemele ditšhaba di le dintsi, mme di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi o tla siamisa merahe, mi o tla sekisa bathu bantsi; mi ba tla thula caka tsa bona megoma, le marumo a bona go na lisekele: morahe moñue ga o kitla o ekela morahe o moñue caka, mi ga ba kitla ba tlola ba ithuta tlabano.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O tla ahlola ditshaba, o tla kgalema ditshaba tse dintsi, ditshosa tsa tsona di tla dira megoma le marumo a tsona gore e be dikare tsa go poma.
Tswana Setswana 1970
O tla seka mo gare ga ditšhaba, a siamisa merafe e mentsi. Foo ba tla thula ditšhaka tsa bona megoma, ba fetola marumo a bona disekele. Setšhaba ga se nke se somole tšhaka go tlhabana le se sengwe. Ga ba kitla ba tlhola ba ithuta tlhabano.