Isaiah 29:13 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme Morena a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela, ba ba ba ntlotla ka molomo wa bone le ka dipounama tsa bone, mme ba tloseditse pelo ya bone kgakala le nna; le go mpoifa ga bone e be e le taolo ya batho fela e ba e rutilweng;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Ki gona Yehova o reñ, A ere ka bathu ba, ba atamela ka melomo ea bona, ba ’ntlotla ka pounama tsa bona, mi ba ’nkhakahaletsa pelu tsa bona, mi poiho ea bona e e ’mpoihañ e rutoa ki kaelo tsa bathu:
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona Jehofa o re: “Setshaba se se batamela go nna ka molomo wa sona, se nkgodisa ka melomo ya sona, eupsa dipelo tsa sona di kgole le nna, le poifo ya sona e latela ditaelo tsa batho.
Tswana Setswana 1970
Morena o buile a re: “E re ka batho ba, ba nkatamela ka melomo, ba ntlotla ka diteme fela, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna, le go mpoifa ga bone e le molao o ba o rutilweng ke batho fela: