Isaiah 39:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Hesekia a ba itumelela, a ba supetsa ntlo ya dilo tsa gagwe tsa botlhokwa, selefera, le gouta le tsa malao le lookwane lwa botlhokwa, le tsotlhe tse di ka fitlhelwang mo dikhumong tsa gagwe; ga se ka ga nna le sepe mo ntlong ya gagwe, le fa e le mo pusong yotlhe ya gagwe, se Hesekia o se kang a se ba bontsha.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Hisikie a itumalana le bona, mi a ba shupetsa ntlu ea lohumo, le selevera, le gouda, le lilo tsa loñko, le loukuane lo lo rategañ, le ntlu eotle ea libolao tsa gague, le cotle tse li bonoañ mo mahumoñ a gague: go le go si sepe mo tluñ ea gague le mo pushoñ eotle ea gague, se Hisikie o sa se ba bontseñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Hiskia a ba kgahlisa, a ba bontsha ntlo ya matlotlo a gagwe, silifera le gauta le dinoko le mafura a bohlokwa le polokalo ya gagwe ka moka ya dibetsa le tsohle tseo di hweditswego mafelong a gagwe a polokalo. Go be go se na selo ka ntlong ya gagwe goba pusong ya gagwe ka moka yeo Hesekia a bego a sa ba dumelele go se bona.
Tswana Setswana 1970
Mme Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo ya mahumo a gagwe, e bong selefera le gouta le tse di nkgang monate le lookwane lo lo molemo le ntlo yotlhe ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe, mme go se na sepe mo ntlong ya ga Hesekia le mo pusong yotlhe ya gagwe se a se kang a se ba supetsa.