Isaiah 49:7 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go bua jaana Jehofa, morekolodi wa Iseraele, le Moitshepi wa gagwe, o raya ene yo motho o mo nyatsang, ene yo o fedisang morafe pelo, le motlhanka wa balaodi, a re: “Dikgosi di tlaa bona di ba di nanoga; dikgosana di tlaa obama; ka ntlha ya ga Jehofa yo o boikanngo, e bong Moitshepi wa Iseraele yo o go itshenketseng.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova, Morekolori oa Bayeserela, Moitsephi oa lona, go eo o nyaricoeñ ki bathu, eo morahe o mo khaphahatsañ, go ena motlañka oa babusi: Likhosi li tla bona, li nanoga, likhosana le cona, li tla obamela ka Yehova, eo o boikaño, le Moitsephi oa Bayeserela, eo o lo itseñketseñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morena Molopolodi wa Baiseraele le Mokgethwa wa gagwe o boletse se, yo a ganago motho, a hloile ditshaba, mohlanka wa dikgosana, yo a kgethilwego.
Tswana Setswana 1970
Morena, Mogolodi wa Iseraele, Moitshepi wa gagwe, o bua jaana le yo o nyatsegang thata, yo e leng maila mo setšhabeng, yo e leng motlhanka wa barena ba ba setlhogo, a re: “Dikgosi le dikgosana di tla bona, di nanoga, di obamela ka ntlha ya Morena yo o ikanyegang le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele yo o go itlhaoletseng.”