Isaiah 5:25 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ka moo bogale jwa ga Jehofa bo tuketseng batho ba gagwe, o ba otlololetse letsogo la gagwe, o ba kgemethile, mme dithota tsa reketla, le ditoto tsa bone tsa nna jaaka matlakala mo gare ga mebila. Le fa go ntse jaana, bogale jwa gagwe ga bo a fapoga, le letsogo la gagwe le sa ntse le lolame fela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona ka mouo bogale yoa ga Yehova bo tukelañ bathu ba gague, o ba otlololetse atla sa gague, a ba khemetha: mi lithaba tsa reketla, mi lirepa tsa bona tsa na yaka matlarika gare ga mebila. Leha gontse yalo, bogale yoa gague ga bo bosioe morago, mi atla sa gague se santse se otlologile.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona bogale bja Jehofa bja tuka setshaba sa gagwe, a otlollela seatla sa gagwe a ba otla. Ka baka la tse ka moka bogale bja gagwe ga se bja sitiswa, eupsa seatla sa gagwe se sa otlolotswe.
Tswana Setswana 1970
Ke ka moo bogale jwa Morena bo tuketseng morafe wa gagwe, a ba otlololela letsogo, a ba otla, mo dithaba di bileng tsa roroma, mo ditoto tsa bone di bileng tsa nna teng jaaka matlakala mo mebileng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.