Isaiah 57:8 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O tlhomile segopodiso sa gago ka fa morago ga ditswalo le mephekwana; o ikapoletse o sele e seng nna, mme o tlhatlogile; o katolositse bolao jwa gago, o golaganye nabo; wa rata bolao jwa bone fela kwa o bo bonang teng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Le gona lo beile segopoco sa lona morago ga meyako, le mephakuana; gone lo icoletse go o sele, esiñ go ’na; lo tlatlogile; lo caegile bolao yoa lona; lo golaganye le bona; lo ratile malao a bona; lo ipaletse bonno.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gaesita le ka morago ga dikgoro le mejako o hlomile kgopotso ya gago, ka gobane o iponagetse go yo mongwe ka ntle le nna le wa rotogela; wa phurolla malao a gago, wa dira kgwerano le bona; o ratile malao a bona mo o ba bonego gona.
Tswana Setswana 1970
O pegile pheko ya gago fa morago ga mojako le mo mophakaregong. Gonne e rile o sena go ntlogela, wa fenosa kobo ya gago, wa tsena mo go yona, wa sutela kwa thoko, wa ikopanya le mongwe wa bone, wa rata go robala nae, wa bona bosaikatega.