Isaiah 62:4 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga o ketla o tlhola o bidiwa Molatlhiwa; le gone lefatshe la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Marope; mme wena o tlaa bidiwa Hefesiba, le lefatshe la gago le tlaa bidiwa Beula, gonne Jehofa o kgatlhega thata mo go wena, le lefatshe la gago le tlaa nyalwa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ga u kitla u tlola u birioa Motlo-bogoi; le lehatse ya gago ga le kitla le tlola le birioa Tsenyego: mi u tla birioa Khatlo ea me e go ona, le lehatse ya gago Monyaroi; gone Yehova o na le khatlo go uena, mi lehatse ya gago le tla nyaloa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O ka se sa bitswa Mofenyi; naga ya gago e ka se sa ba Nahathothe, ge e se Hefsiba, le mmuso wa gago Beula; gobane Jehofa o a go thabela, le setshaba sa gago se tla botega.
Tswana Setswana 1970
Ga o nke o tlhola o bidiwa “Yo o tlogetsweng”; ga ba nke ba tlhola ba bitsa lefatshe la gago “Bodutu”, mme o tla bidiwa “Yo o nkgatlhang”, le lefatshe la gago “Le le nyetsweng”; gonne Morena o tla kgatlhwa ke wena; lefatshe la gago le tla nyalwa.