Isaiah 62:8 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa o ikanne ka seatla sa gagwe se segolo le ka letsogo la thata ya gagwe, a re: “Ruri ga nketla ke tlhola ke ntsha mabele a gago go nna dijo tsa baba ba gago; le gone baeng ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine jwa gago, jo o ineileng letsapa ka ga jone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Yehova o ikane ka atla sa gague se se siameñ, le ka cogo ya thata ea gague; Rure, ga ’nkitla ki tlola ki nela mabele a gago go na liyo tsa baba ba gago; le gona bana ba moeñ ga ba kitla ba noa boyaloa yoa gago, yo u bo khokoleletseñ:
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa o ikanne ka seatla sa gagwe sa le letona le ka letsogo la matla a gagwe gore: “Nka se sa nea manaba a gago mabele a gago e le dijo; barwa ba basele ba se ka ba nwa beine ya gago yeo e somago ka thata.
Tswana Setswana 1970
Morena o ikanne ka letsogo le le jang, ka letsogo le le thata, a re: “Ga nkitla ke tlhola ke neela baba ba gago mabele a gago go nna dijo tsa bone; baeng ga ba nke ba nwa matute a moweine a gago a o a itapiseditseng.