James 2:16 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang?
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi moñue oa lona a ba raea, Eañ ka kagisho, thuthahalañ, lo khore; mi ha lo sa ba nee tse mebele e li tlokañ, go bo go thusañ?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
o bo o e raya o re, “Go siame, tsamaya sentle Modimo o go segofatse; o thuthafalelwe o bo o kgore,” mme o bo o sa mo fe diaparo kgotsa dijo, moo go thusang?
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Yo mongwe wa lena a re go bona: Tsamayang ka khutso, le ba borutho le go tlala; eupsa ga o ba nee dilo tse di nyakegago mmeleng; mohola ke eng.
Tswana Setswana 1970
mme mongwe wa lona a ka ba raya a re: “Yaang ka kagiso, lo thuthafale, lo kgore,” mme lo sa ba fe dilo tse di batlegang mo mmeleng, go a bo go thusang?