James 2:18 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ee, motho mongwe o a ba a tlaa re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontsha tumelo ya gago kwa ntle ga ditiro tsa gago, mme nna ke tlaa go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A moñue o tla re, U na le tumelo, mi ’na ki na le litiho: ’ncupetsa tumelo ea gago e sina tiho tsa gago, mi ki tla gu shupetsa tumelo ea me ka litiho tsa me.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme kgotsa mongwe o ka nganga a re, “Wa re tsela e e yang kwa Modimong ke ka tumelo e le yosi, e sa okediwe ka sepe; go siame, nna ka re ditiro tse di molemo le tsone di botlhokwa gonne kwa ntle ga ditiro tse di molemo ga o kake wa supa gore a o na le tumelo kgotsa nnyaa; mme le fa e le mang o ka bona gore ke na le tumelo ka tsela e ke itsayang ka yone.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ee, motho a ka re: Lena le na le tumelo, le nna ke na le mediro; mpontshe tumelo ya gago ntle le mediro ya gago, ke tla go bontsha tumelo ya ka ka mediro ya ka.
Tswana Setswana 1970
Jaanong motho o ka re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontshe tumelo ya gago e e se nang ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ka ditiro tsa me.