James 3:5 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jalo loleme le lone ke tokololo e potlana, lo bolela dilo tse dikgolo ka go ipelafatsa. Bonang, sekgwa se segolo jang se se tshujwang ka molelo o le monnyennye!
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gontse yalo le loleme, ki tokololo e nyenye, mi lo belahala lilo tse ri kholu. Bonañ, molelo o monyenyane o cuba likhoñ tse ri kholu yañ!
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka mo go swanago leleme ke setho se senyenyane lele ikgantsha ka dilo tse dikgolo. Bona, mollo o monyenyane o tuka mo gogolo gakaakang!
Tswana Setswana 1970
Le lone loleme ke tokololo e potlana e e ntseng jalo; mme lo ipoka ka go bua tse dikgolo. Bonang, molelo o monnye o a tle o tshube sekgwa se se kana kang ne!