James 4:11 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bakauleñue, lo si buelane mashue. Eo o buañ mashue ga mokauleñue oa gague, le go sekisa mokauleñue oa gague, o bua mashue ga molao, mi o sekisa molao; mi ha u sekisa molao, ga u rihe yaka molao, u mosekisi.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Se tshwaaneng diphoso lwa ba lwa buana bosula bakaulengwe ba ba rategang. Fa lo dira jalo, lo tlaa bo lo tlhabana le molao wa Modimo o o reng lo ratane, lo o supa o sa siama. Mme tiro ya lona ga se go akanya gore a molao o o siame kgotsa ga o a siama, fa e se go o obamela fela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bana beso, le se ke la bolela gampe ka yo mongwe le yo mongwe. Yo a bolelago gampe ka ngwanabo, a ahlola ngwanabo, o bolela gampe ka molao, a ahlola molao; eupsa ge o ahlola molao, ga o modiri wa molao, eupsa o moahlodi.
Tswana Setswana 1970
Ba ga etsho, lo se ka lwa kgobana. Yo o kgobang mokaulengwe wa gagwe gongwe a mo sekisa, o kgoba molao, e bile o sekisa molao. Mme fa wena o sekisa molao, o tla bo o se modirisi wa molao, mme o le mosekisi wa one.