James 4:12 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Motlhomi wa molao o mongwe fela, le moatlhodi, e bong ene yo o nonofileng go boloka le go senya; wena o bo o le mang yo o sekisang wa gaeno?
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go monei oa molao a le moñue hela, eo o nonohileñ go buluka, le go senya, mi uena u mañ eo o sekisañ eo moñue?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Yo o dirileng molao ke ene fela a ka atlholang sentle mo gare ga rona. Ke ene fela o ka atlholang go re boloka kgotsa go re nyeletsa. Jalo lo na le tshwanelo efe go sekisa kgotsa go bona ba bangwe diphoso?
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go na le monei wa molao o tee yo a kgonago go pholosa le go senya;
Tswana Setswana 1970
Motlhomi wa molao le moatlhodi ke a le mongwe fela yo o nonofileng go pholosa le go latlha. Mme wena o mang, yo o sekisang mongwe-ka-wena?