Jeremiah 15:19 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone Jehofa o bua jaana, a re: “Fa o boa, foo ke tlaa ba ke go tlisa gape, gore o tle o eme fa pele ga me; fa o lomolola se se tlhokegang mo go se se bosula, o tlaa nna jaaka molomo wa me; ba tlaa boela mo go wena, mme wena ga o ketla o boela kwa go bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Ki gona go buañ yalo Yehova, Ha u boea, ereha gona ki tla gu bosañ, mi u tla ema ha pele ga me: mi ha u ntsa ba ba rategañ mo go ba boshula, ereha gona u tla nañ yaka molomo oa me: a ba boele go uena; mi u si boele go bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona Jehofa o re: “Ge o ka boa, gona ka tla go busetsa morago, le o tla ema pele ga ka; eupsa ga o retologele go bona.
Tswana Setswana 1970
Ke gona ka moo Morena a buang jaana a re: “Fa ò boa, ke tla go emisa gape fa pele ga me; fa ò ntsha tse di tshwanetseng, e seng tse di boatla, o tla nna molomo wa me. Mme bone ba tla boela kwa go wena, mme wena o se ka wa boela kwa go bone!