Jeremiah 22:30 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa o bua jaana, a re: “Kwalang monna yo, go re ga a na ngwana, e le monna yo o se ketlang a tlhogonolofala mo metlheng ya gagwe; gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tlaa tlhogonolofalang, a dula mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, mme a tlhola a busa gope mo Juta.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova, Kualañ monona eo, a sina bana, monona eo o si kitlañ a tsegohala mo malatsiñ a gague: gone go si ope oa losika loa gague eo o tla tsegohalañ, go lula ha teroneñ ea ga Davide, le go tlola go busa mo Yudeñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morena o re: Ngwala monna yo yo a se nago bana, monna yo a ka se atlegego mehleng ya gagwe;
Tswana Setswana 1970
Morena o buile a re: “Kwalang ka ga monna yoo lo re: ‘Ga a na bana; ga se monna yo o tlhogonolo mo malatsing a gagwe. Gonne ga go na ope wa losika lwa gagwe yo o tla bonang letlhogonolo la go nna mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, la go busa Juta gape.’ ”