Jeremiah 24:1 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa o ne a ntshupetsa, mme bonang, ga bo go le diroto di le pedi tsa difeige di beilwe fa pele ga tempele ya ga Jehofa; morago ga Nebukateresare kgosi ya Babilone a sena go tlosa Jekonia morwa Jehoiakime, kgosi ya Juta mo Jerusalema, a le setshwarwa, a na le dikgosana tsa Juta, le badiri ba ba maatlametlo, le bathudi, a ba fitlhisitse kwa Babilone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
YEHOVA a ’ncupetsa, mi bonañ, lirotu li tu tsa lifeige li beiloe ha pele ga tempela ea ga Yehova; Nebukadenetsare khosi ea Babelona a sina tlosa Yekonie moroa Yehoyakime khosi ea Yuda, le likhosana tsa Yuda, le barihi, le bathuri, mo Yerusalema, a ba isa bacuaroi kua Babelona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morena o mpontshitse ka tsela ye, le diroto tse pedi tsa mago di eme pele ga ntlo ya Jehofa, ka morago ga Nebukadinetsara kgosi ya Babele, le Jekonia morwa wa Joyakime kgosi ya Juda, le dikgosana tsa Juda mme babetli ba iswa bothopsa. Le tshipi ya Jerusalema, a e isa Babele.
Tswana Setswana 1970
Morena o ne a mpontsha pono, ka bona ditlatlana di le pedi tse di nang le difeie; di beilwe fa pele ga Tempele ya Morena. – E ne e le fa Nebukatenesare, kgosi ya Babele, a sena go tlosa Jegonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, le dikgosana tsa Juta, le ditswerere, le bathudi mo Jerusalema le go ba isa mo botshwarong kwa Babele.