Jeremiah 29:6 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
tsayang basadi, lo bone bana ba basimane le ba basetsana; lo bo lo tseise bomorwaa lona basadi, le bomorwadia lona lo ba tseise banna, gore ba tle ba bone bana ba basimane le ba basetsana; lo ate teng lo se ka lwa ngotlega.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Tsaeañ basari, lo tsale tsimane le tsetsana; mi tseelañ bomoroa lona basari, mi nelañ banona bomoroaria lona, gore ba tsale tsimane le tsetsana; gore lo intsiharioe gona, mi lo si ñotlahale.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Tsea basadi, le belege barwa le barwedi; le tseeleng barwa ba lena basadi, le nee barwedi ba lena banna, gore ba belege barwa le barwedi; gore le tle le gole go lona, le se ka la fokotsega.
Tswana Setswana 1970
Tsayang basadi, lo tsale bana ba basimane le ba basetsana. Le gona lo tseele bomorwaa-lona basadi mme a bomorwadia-lona ba nyalwe ke banna gore ba belege bana ba basimane le ba basetsana gore lo ntsifale teng koo, mme lo se ka lwa ngotlega.