Jeremiah 30:18 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang, ke tlaa ba ke sokolola botshwaro jwa megope ya ga Jakobe, ke tlaa tlhomogela maago a gagwe pelo; mme motse o tlaa agiwa godimo ga ditsha tsa one, le ntlo ya kgosi e tlaa nnwa ka fa mokgweng wa yone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Go bua yalo Yehova: Bonañ, ki tla bosa bocuaro yoa litenta tsa Bayakoba, ki utluela manno a bona botluku; mi motse o tla agioa mo thabaneñ ea ona, mi paliso e tla nnoa yaka e le entse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa a re: “Bonang, ka tla lokisa mesasa ya Jakobe, ka gaugela mafelo a gagwe a bodulo; motse o tla agwa ka kholofelong ya gagwe, le mosate o tla ema legatong la wona.
Tswana Setswana 1970
“Morena o bua jaana a re: ‘Bonang, ke tla fetola tatlhego ya malapa a ga Jakobe, ke tlhomogela meago ya gagwe pelo. Motse o tla tsosiwa gape mo dithoteng tsa marope a ona. Ntlo ya borena e tla nna fa go e tshwanetseng.