Jeremiah 31:34 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga ba ketla ba tlhola ba ruta mongwe le mongwe wa ga gabo, le mongwe le mongwe ngwana a rraagwe, ba re: ‘Itse Jehofa;’ gonne ba tlaa nkitse botlhe fela, go simolola ka yo mmotlana go ya go yo mogolo mo go bone,” go bua Jehofa; “gonne ke tlaa ba itshwarela boikepo jwa bone, le boleo jwa bone ga nketla ke tlhola ke bo gakologelwa gope.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga ba kitla ba tlola ba ruta, moñue le moñue moñ ka ena, le moñue le moñue ñoana rague, a re, Itse Yehova: gone ba tla ’nkitse botle, go simolola ka ba botlana ba bona go ea go ba bagolu ba bona, go bua Yehova: gone ki tla icuarela tsiamololo tsa bona, mi ga ’nkitla ki tlola ki gakologeloa libe tsa bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Motho yo mongwe le yo mongwe a ka se Ruthe moagisani wa gagwe le ngwanabo a re: Tseba Morena! gobane ka tla ba lebalela. Le bokgopo bja bona le sebe sa bona nka se sa gopola.
Tswana Setswana 1970
“Go tla bo go sa tlhole go le ope yo o rutang mongwe-ka-ene gongwe morwa-rraagwe a re: ‘Itse Morena!’ Gonne ba tla nkitse botlhe, ba bannye le ba bagolo ba bone,” go bua Morena. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, ke sa tlhole ke gopola maleo a bone.”