Jeremiah 33:11 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
go tlaa ba go utlwala teng modumo wa boitumelo le modumo wa boipelo, lentswe la monyadi le lentswe la monyadwi, le lentswe la ba ba reng: “ ‘Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa wa molemo, gonne boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng’; “le modumo wa ba ba lereng ditlhabelo tsa tebogo mo ntlong ya ga Jehofa. Gonne ke tlaa busa botshwaro jwa lefatshe jaaka ga ntlha, go bua Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Koru ea boitlapelo, le koru ea boitumelo, koru ea monyari, le koru ea monyaroi, le koru ea ba ba tla reñ, Bakañ Yehova oa lintua, gone Yehova o molemo; gone pelunomi ea gague e ka bosakhutleñ: le koru ea bona ba ba tla isañ cupelo ea pako mo tluñ ea ga Yehova. Gone ki tla bosa bocuaro yoa lehatse, yaka ga ntla, go bua Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lentsu la lethabo le la lethabo, lentsu la monyadi le la monyadiwa, lentsu la bao ba rego: “Bokang Jehofa wa madira; gobane kgaugelo ya gagwe e dula e le gona go isa mehleng ya neng le neng, go bao ba tlisago dihlabelo tsa theto ka ntlong ya Jehofa. Gobane ka tla tsosolosa bokamoso bja naga bjalo ka ge bo be bo le bjalo mathomong,” o re’alo Jehofa.
Tswana Setswana 1970
go be go utlwala gape modumo wa tuduetso wa boitumelo le lentswe la monyadi le lentswe la monyalwa le kopelo ya ba ba tlisang ditlhabelo tsa tebogo kwa Ntlong ya Morena ba ba reng: “ ‘Lebogang Morena wa masomosomo, gonne Morena o molemo; gonne bopelontle jwa gagwe ke jo bo sa khutleng.’ “Gonne ke tla fetola tatlhego ya lefatshe gore le nne gape jaaka mo metlheng ya pele.” Morena o buile jalo.