Jeremiah 35:15 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke bile ke romile batlhanka botlhe ba me, e bong baperofeti kwa go lona, ke phakela ke ba roma, ke re: ‘A mongwe le mongwe wa lona a ke a boe mo tseleng ya gagwe e e bosula, lo bo lo siamise ditiro tsa lona, lo se ye le medimo e sele go e direla, mme lo tlaa aga mo lefatsheng le ke le neileng lona le borraeno.’ Mme ga lo a ka lwa sekega tsebe, le fa e le go ntheetsa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka roma baperofeti batlañka ba me botle go lona, ka go phakela go roma, ka re, A moñue le moñue oa lona a boee yana mo tseleñ ea gague e e boshula, mi lo tlabolole tiho tsa lona, mi si ineleñ merimo e sele go e rihela, mi lo tla nna mo hatsiñ ye ki le lo neileñ le bo‐rra enu: mi ga loa ka loa sekega tsebe tsa lona, le esiñ go ’nthetsa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lega go le bjalo ka rometse go lena bahlanka ba ka ka moka e lego baporofeta, ka tsoga e sa le ka pela le ka ba roma, ka re: “Motho yo mongwe le yo mongwe a boele ditseleng tsa gagwe tse mpe le ditseleng tsa lena; o se ka wa e dira. Direla, le gore o dule nageng ye ka go filego yona le borakgolokhukhu ba gago; eupsa lena ga se la ntheetsa, le gona ga se la ntheetsa.
Tswana Setswana 1970
Kana ke lo rometse baporofeti, batlhanka ba me botlhe, ka tlhoafalo, ka lo raya ka re: A ko lo boe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditiro tsa lona! Se lateleng medimo e sele go e direla! Foo lo tla nna mo nageng e ke e lo fileng le borraeno. Mme ga lo a ka lwa sekega ditsebe le e seng go nkutlwa.