Jeremiah 36:29 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka ga Jehoiakime kgosi ya Juta, o bue, o re: ‘Jehofa o bua jaana, a re: O fisitse momeno oo, wa re: Ana o kwaletseng mo go one, wa re: Kgosi ya Babilone e tlaa tla ruri e senya lefatshe le, e ba e fedisa motho le kgomo teng?
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi u ree Yehoyakime khosi ea Yuda, Go bua yalo Yehova: U hisitse momeno o, ua re, U kualetseñ go ona, u re, Khosi ea Babelona e tla tlela rure, e senya lehatse ye, e khutlisa mothu le khomu go yeona?
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O botse Jehoyakime kgosi ya Juda o re: ‘Se ka seo Jehofa a se boletsego; O ile wa fisa lengwalo la go phuthwa la re: ‘Ka ka baka la’ng o ngwadile ka gare ga lona la re: ‘Ruri kgosi ya Babele e tla tla ya fedisa naga ye, ya fedisa batho le diphoofolo go yona?
Tswana Setswana 1970
Mme o bue ka ga Joyakime, kgosi ya Juta, o re: ‘Morena o bua jaana a re: Wena o fisitse buka eo wa re: Ke ka ntlhaang, fa o kwadile mo go yona wa re: Ruri, kgosi ya Babele e tla tla, e senya lefatshe le, e fedisa batho le diruiwa mo go lone?