Jeremiah 37:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo Setekia kgosi a laola, mme ba tsenya Jeremia mo lwapeng lwa balebedi, ba mo naya ka malatsi otlhe senkgwe se le sengwe fela se se tswang mo mmileng wa babesi ba senkgwe, ga tsamaya senkgwe sotlhe sa fela mo motseng. Jeremia a nna jalo mo lwapeng lwa balebedi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Tsedekie khosi ea laola, gore ba loalele Yeremie mo loapeñ loa ntlu ea kholegelo, le gona gore a neoe kholokue ea señkhue e coa mo mileñ oa barubi ka tsatsi le tsatsi, e tsamaee señkhue se se mo motseñ se hele shotle. Mi Yeremie a nna mo loapeñ loa ntlu ea kholegelo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka moka kgosi Tsedekia a laela gore a ise Jeremia ka lapeng la kgolego le a mo nee borotho bja go tswa setarateng sa moapehi wa dinkgwa letsatsi le letsatsi go fihlela bogobe ka moka bja motseng bo fedile. Ka gona Jeremia a dula ka lapeng la kgolego.
Tswana Setswana 1970
Ke fa kgosi Setekia a laela gore ba tsenye Jeremia mo lapeng le mo tisong ya batlhabani; le gona ba mo naya senkgwe se le sengwe ka letsatsi se se tswang mo mmileng wa babesi, ga tsamaya dijo tsa felelela mo motseng. Jeremia a nna jalo mo lapeng la batlhabani.