Jeremiah 40:5 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana e rile a ise a boe, molaodi wa balebedi a mo raya a re: “Ee, boela kwa go Getalia morwa Ahikame, morwa Shafane, yo kgosi ya Babilone e mmeileng molaodisiwa wa metse ya Juta, mme o nne nae mo gare ga batho; kgotsa o ka ya fela kwa go leng tshiamo mo matlhong a gago go ya teng.” Jalo molaodi wa balebedi a mo naya mefago le dineo, mme a mo lesa a tsamaya.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a e si a arabe, a mo raea, Boela go Gedalie moroa Ahikame moroa Shafane, eo khosi ea Babelona e mo laorisitseñ metse ea Yuda, mi nna nae mo bathuñ: khotsa u ee gotle kua go siameñ mo maitloñ a gago go ea gona. Mi mogolu oa bahemeri a mo naea mohago le neo, mi a mo naea tsela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Pele a boa, a re go yena: “Boela morago go Gedalia morwa wa Ahikama, morwa wa Safane, yoo kgosi ya Babele e mo kgethilego gore a hlokomele metse ya Juda go fihla ka 1 990.” Dinaga; moo go bonagalago go swanetse gore o ye gona. Ka gona molaodi wa bahlapetsi a mo fa dijo le moputso, a mo tlogela a lokologile.
Tswana Setswana 1970
Jaanong ya re Jeremia a ise a boe, a re: “Boela kwa go Ketalea, morwa Ahikame, morwa Safane, yo kgosi ya Babele e mo laodisitseng metse ya Juta, o nne nae mo gare ga batho, kampo o ye kwa gongwe le gongwe, fa go siameng mo matlhong a gago go ya teng.” Le gona mookamedi wa bafemedi ba kgosi a mo naya mfago le neo, a ba a mo letlelela go tsamaya.