Jeremiah 41:10 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo Išemaele a tlosa masalela otlhe a batho ba ba mo Misepa e le ditshwarwa, e bong bomorwadia kgosi, le batho botlhe ba ba setseng mo Misepa, ba Nebusaratane molaodi wa balebedi o ne a ba neetse Getalia morwa Ahikame; Išemaele morwa Nethania a ba tlosa e le ditshwarwa, mme a tloga a re o kgabaganyetsa kwa baneng ba Amone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yishemaele a isa masalela a bathu aotle a a la a le kua Mitsepa bacuaroi, eboñ bomoroaria khosi, le bathu botle ba ba le ba sarisioa kua Mitsepa, ba Nebusaradane mogolu oa bahemeri o la a ba laolela Gedalie moroa Ahikame: mi Yishemaele moroa Netanie a ba isa bacuaroi, a tloga go ea baneñ ba Amone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka moka Ishimaele a tsea batho ka moka ba bangwe bao ba bego ba le Mitsepha, barwa ba barwedi ba kgosi le batho ka moka bao ba setsego Mitsepha, bao Nebusaradane e bego e le bona molaodi wa bahlapetsi o be a gafetse Gedalia morwa wa Ahikama; le Ishmaele, morwa. Barwa ba Nethania ba ba thopa, ba ya go bana ba Amoni.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Isemaele a thopa masalela aotlhe a morafe a a neng a le kwa Mitsepha, e le bomorwadia kgosi le batho botlhe ba ba sadisitsweng kwa Mitsepha, e bong bone ba Nebusaratane, mookamedi wa bafemedi ba kgosi, a neng a ba laodisitse Ketalea, morwa Ahikame; bone bao Isemaele, morwa Nethanya, a ba isa mo botshwarong, a tloga ka bone gore a fetele kwa Baamoneng.