Jeremiah 44:26 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone, utlwang lefoko la ga Jehofa, lona lotlhe Bajuta ba lo agileng mo lefatsheng la Egepeto: ‘Bonang ke ikanne ka leina la me le legolo,’ go bua Jehofa, ‘go re, leina la me ga le ketla le tlhola le umakwa mo molomong wa motho ope wa Juta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, go re: Jaaka Jehofa a tshedile.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona utluañ lehuku ya ga Yehova, lona Bayuda lotle ba lo nntseñ mo hatsiñ ya Egepeto: Bonañ, go bua Yehova, ki ikanne ka leina ya me ye legolu, ha leina ya me le si kitla le tlola le birioa ki molomo oa monona ope oa Yuda mo hatsiñ ya Egepeto yeotle, go tua, Yehova Morena o tserile.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Fela utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe ba lo nnang mo lefatsheng la Egepeto! Morena a re: ‘Itseng gore ka ikanne ka leina le legolo la me ka re: Ga go kitla go tlhola go nna Mojuta ope mo lefatsheng lotlhe la Egepeto yo o tla bitsang leina la me ka molomo wa gagwe a re: Ka bophelo jwa Morena Modimo!
Tswana Setswana 1970
Fela utlwang Lefoko la Morena, lona Bajuta lotlhe ba lo nnang mo lefatsheng la Egepeto! Morena a re: ‘Itseng gore ke ikanne ka leina le legolo la me ka re: Ga go kitla go tlhola go nna Mojuta ope mo lefatsheng lotlhe la Egepeto yo o tla bitsang leina la me ka molomo wa gagwe a re: Ka bophelo jwa Morena Modimo!