Jeremiah 44:28 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba ba falolang mo tšhakeng, ba tlaa bowa mo lefatsheng la Egepeto, ba boela lefatsheng la Juta ba le babotlana fela mo palong; mme masalela otlhe a Juta a a ileng lefatsheng la Egepeto go ya go jaka teng, a tlaa itse, go re, go tlaa ema lefoko la ga mang, la me, kgotsa la bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba palo e nyenye ba ba tla phelañ cakeñ ba tla boea mo hatsiñ ya Egepeto ba ea kua hatsiñ ya Yuda, mi masalela aotle a Yuda, a a tlileñ mo hatsiñ ya Egepeto go tlolatlola gona, a tla itse lehuku ye le tla tlomamañ, go re ki ya ga mañ, ya me, khotsa ya aona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba ba falolang mo tšhakang, ba boa mo lefatsheng la Egepeto, ba boela kwa lefatsheng la Juta, e tla nna ba se kae fela. Masalela otlhe a Bajuta ba ba tsileng mono lefatsheng la Egepeto go jaka gona a tla lemoga gore ka lefoko la ga mang le le dirafalang, a la me gongwe la bone.’
Tswana Setswana 1970
Ba ba falolang mo tšhakeng, ba boa mo lefatsheng la Egepeto, ba boela kwa lefatsheng la Juta, e tla nna ba se kae fela. Masalela otlhe a Bajuta ba ba tsileng mono lefatsheng la Egepeto go jaka gona a tla lemoga gore ke lefoko la ga mang le le dirafalang, a la me gongwe la bone.’