Jeremiah 47:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang, metsi a hohomoga kwa botsheka, mme a tlaa nna noka e e penologang, e tlaa penologela lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, motse le ba ba agileng mo go one; mme batho ba tlaa goa, le banni botlhe ba lefatshe ba tlaa bokolela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova: Bonañ, metse a coa mo Noreteñ, mi a rihegile kelelo e e penologelañ, a penologela lehatse le botlalo yoa yeona; le motse le banni ba ona; mi bathu ba khayayega, le banni ba lehatse ba goa botle,
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morena a re; Gobane, bona, metsi a rotoga a etswa ka leboa, le metsi a go tlala a tla khupetsa lefatshe le tsohle tse di lego go lona; motse le bao ba dulago go wona, banna ba tla goeletsa moo, badudi ka moka ba nageng ba tla goeletsa.
Tswana Setswana 1970
Morena o bua jaana a re: “Metsi ke ao, a tlhaga a tswa kwa bokone. E tla nna noka e e gogolang. E tla gogola lefatshe le tse di tletseng mo go lone, le motse le ba ba agileng mo go ona. Go tla goa batho, go bokolela botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.