Jeremiah 50:33 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: “Bana ba Iseraele le bana ba Juta ba bogisiwa mmogo; mme botlhe ba ba ba isitseng botshwarong ba ba tshwere thata, ba gana go ba rebola.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova oa lintua: Bana ba Yeserela le bana ba Yuda ba le ba bogisioa mogo: mi botle ba ba ba cuarañ ba ba tsegetsa; ba gana go ba golola.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa wa madira o re: Bana ba Baiseraele le bana ba Juda ba ile ba gatelelwa gotee; ba gana go ba lokolla.
Tswana Setswana 1970
Morena wa masomosomo o bua jaana a re: “Baiseraele le Bajuta ba gatelelwa mmogo. Botlhe ba ba ba isitseng mo botshwarong, ba ntse ba ba tshwere, ba gana go ba rebola.