Jeremiah 50:41 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Bonang, go tswa tšhaba kwa ntlheng ya botsheka; le morafe o mogolo, le dikgosi di le dintsi di tlaa tsosiwa kwa dikhutlong tsa lefatshe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bonañ, bathu ba tla coa mo Noreteñ, eboñ morahe o mogolu, le likhosi lintsi li tla cosioa mo ntleñ tsa lehatse.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bonang, setshaba se tla tswa ka leboa, sa ba se segolo;
Tswana Setswana 1970
“Bonang, morafe o e tla o tswa kwa bokone; setšhaba se segolo le dikgosi tse dintsi di tswa go tsosiwa kwa dikhutlong tsa lefatshe.