Jeremiah 50:6 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Batho ba me e ntse e le dinku tse di timetseng; badisa ba bone ba ba timeditse, ba ba faposeditse mo dithabeng; ba tlhomagantse thaba le thotana, ba lebetse sebothelo sa bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bathu ba me ba le ba le liñku tse ri latlegileñ: barisa ba bona ba ba timeritse, ba ba isitse kua lithabeñ: ba coa mo thabeñ ba ea kua thabaneñ, ba lebetse sebotho sa bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Setshaba sa ka e be e le dinku tse di timetsego; badisi ba bona ba ba arositse, ba ba arosa dithabeng; ba tloga thabeng e nngwe go ya go e nngwe, ba lebala lefelo la bona la go khutsa.
Tswana Setswana 1970
“Morafe wa me e ne e le letsomane le le latlhegileng, o timeditswe ke badisa ba ona, ba o faposetsa kwa dithabeng; wa tsamaya mo dithabeng le mo dithabaneng, wa lebala lesaka la ona.