Jeremiah 52:25 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo motseng a tsaya molaodisiwa mongwe yo o ne a laodisitswe batlhabani; le banna ba supa mo go ba ba neng ba tle ba bone sefatlhogo sa kgosi, ba ba fitlhetsweng mo motseng; le mokwaledi wa molaodi wa ntwa, yo o ne a tle a phuthe batho ba lefatshe; le banna ba 60 ba lefatshe, ba ba fitlhetsweng mo gare ga motse.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ntsa kala ñue mo motseñ, e e le ea laoleloa batlabani, le banona ba seveñ ba bona, ba ba le ba le ha pele ga khosi, ba ba bonoañ mo motseñ, le mokuari eo mogolu oa ntua, eo o kualelañ ntua bathu ba lehatse, le banona ba sekeste ba bathu ba lehatse ba ba bonoañ mo motseñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka moka a ntsha mohlankadi yo mongwe motseng, molaodi wa madira; le banna ba supago bao ba bego ba na le kgosi, bao ba hweditswego motseng; le mongwaledi wa makgotla, yo a bego a kgobokatsa batho ba naga; le banna ba 60 ba setshaba sa naga yeo ba hweditswego motseng.
Tswana Setswana 1970
Mo motseng a tsaya mongwe wa badiredi ba lapa la kgosi, yo e neng e le mookamedi wa batlhabani, le banna ba ba supang ba kgosing ba ba fitlhetsweng mo motseng, le mokwaledi wa molaodi wa batlhabani, yo o neng a kua mephato ya batlhabani mo bathong ba lefatshe, le banna ba le 60 ba kwa nageng ba ba fitlhetsweng mo teng ga motse: