Jeremiah 6:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ka moo Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang ke tlaa baya dikgopi fa pele ga tšhaba e; mme borra bana le bomorwaa bone ba tlaa kgotswa mmogo ke tsone; oo rra motho le tsala ya gagwe ba tlaa nyelela.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona go buañ yalo Yehova, Bonañ, ki tla baea likhopi ha pele ga bathu ba, mi bo‐rra le bana ba tla ikho-pisa ka cona; monni le tsala ea gague, ba tla hela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona Jehofa o re: “Bonang, ka roga setshaba se, bo-tata le barwa mmogo; moagisani wa gagwe le mogwera wa gagwe ba tla hwelela.
Tswana Setswana 1970
Ke gona ka moo Morena a buileng jaana a re: “Bonang, ke beela morafe o dikgopi mo tseleng gore borra-bana le bana ba we mmogo ka tsona. Moagi le yo o bapileng nae ba tla nyelela.”